Bokaedi tlaleletso bo golagana ka katamelano le batshameki bagolo mo mererong ya LIS ya bosetšhaba ya botlhokwa, go tsenyelediwa -
Lefapha la Botsweretshi le Setso
Lefapha la Saense le Thekenoloji
Lefapha la Thuto
Lefapha la Merero ya Lefatshe Letlhomeso la Bosetšhaba la tshedimosetso ya Lefaufau NSIF
Lefapha la Ditlhaeletsano
Ditirelo tsa Porofense tse robong tsa Laeborari
Laeborari le Mokgatlho wa Tshedimosetso wa Aforika Borwa (LIASA)
Khomišene ya Bosetšhaba ya moporesidente ya Tshedimosetso ya Setšhaba le Tsweletso
Tshedimosetso ya Diakhaefe tsa Aforika Borwa (SADA) ya Motheo wa Bosetšhaba wa Patlisiso (NRF)
Kgolagano le boditšhabatšhaba e diragala le -
Tshwaragano ya Boditšhabatšhaba ya Mekgatlho ya Laeborari le Ditheo (IFLA)
mekgatlho e e rileng ya Ditšhabakopano (go tsenyelediwa UNESCO le Khomišene ya Ikonomi ya UN ya Aforika )
Mafaratlhatlha a Boditšhabatšhaba a Go nna teng ga Diphasalatso tsa Saense(INASP)
Mokgatlho wa Tsweletso ya Borwa jwa Aforika (SADC)
le tse dingwe
Tshedimosetso - phetogo, ka Lefapha la Botswereshi le Setso, e simolola le go tshegetsa ka matlotlo dipatlisiso tse di rileng tsa LIS kwa maemong a bosetšhaba.
Bokaedi tlaleletso gape bo thusa mekgatlho e e rileng ya LIS ka thuso mo dikabong ya diporojeke tsa bosetšhaba tse di rileng, sk. go thusa LIASA go tshola Khonferense ya IFLA 2007 kwa Durban.
Tsotlhe tsa ditiro tse di fa godimo di lebisitswe kwa go oketseng phitlhelelo kwa tshedimosetsong ya bosetšhaba.
DINTLHA TSA KGOLAGANO
Bokaedi tlaleletso jwa Tshedimosetso phetogo
Bokaedi Bogolo jwa Tirelo ya Diakhaefe tsa Bosetšhaba le
Direkoto ya
Aforika Borwa
LEFAPHA LA BOTSWERETSHI LE SETSO
Kgetsana ya Poso X236
Mogala: +27.12.323-5300
Fekese: +27.12. 323-5287
AFORIKA BORWA
LEFAPHA LA BOTSWERETSHI LE SETSO
BOKAEDI BOGOLO JWA TIRELO YA DIAKHAEFE TSA BOSETŠHABA LE DIREKOTO YA AFORIKA BORWA
Bokaedi tlaleletso jwa
Tshedimosetso- phetogo
Bokaedi tlaleletso jwa Tshedimosetso-phetogo ke ntlha bogareng ya bosetšhaba ka fa gare ga Mmuso wa bosetšhaba jo bo mekamekanang le merero ya pholisi e e rileng e e amanang le laeborari le ditirelo tsa tshedimosetso (LIS) kwa maemong a bosetšhaba. Tsedimosetso- phetogo e kaya tshedimosetso ka tshedimosetso.
Bokaedi tlaleletso bo beilwe ka fa gare ga Bokaedi Bogolo jwa Tirelo ya Diakhaefe tsa Bosetšhaba le Direkoto ya Aforika Borwa jwa Lefapha la Botsweretshi le Setso mme bo begela kwa Moakhaefeng wa Bosetšhaba, Ngaka Graham Dominy.
Ponelopele ya Bokaedi tlaleletso ke go tlhola le go tshegetsa mokgwa o o nonofileng wa tshedimosetso - phetogo o o tla godisang phitlhelelo kwa tshedimosetsong, go tlhomamisa gore baagi botlhe ba tsaya karolo mo tshedimosetsong ya Setšhaba, ka go rialo ba nna le seabe mo tsweletsong ya naga. Maikemisetso ke go gakolola Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji ka tsweletso, thulaganyo, le tshegetso ya pholisi ya bosetšhaba ya tshedimosetso- phetogo le mafaratlhatlha.
Mokgwa wa bosetšhaba wa tshedimosetso- phetogo mo Aforika Borwa o na le mefuta e e farologaneng ya dilaeborari le mekgatlho ya tshedimosetso e mengwe mme o kgontshiwa ke letlhomeso la peomolao. Bokaedi tlaleletso bo malebana ka totobalo le -
Khansele ya Bosetšhaba ya Laeborari le Ditirelo tsa Tshedimosetso (NCLIS)
Laeborari ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa (NLSA)
Laeborari ya Aforika Borwa ya Difofu (BLINDLIB)
Komiti ya Peeletso ya Semolao le dilaeborari tseo le diakhaefe tse di dirang jaaka mafelo a peeletso a semolao, le
Mokgatlho wa Badiri ba Difofu wa Aforika Borwa (SABWO).
Mekgatlho e e na le seabe mo go tlholeng mafaratlhatlha a bosetšhaba a LIS, e e kgontshang mefuta e mengwe ya dilaeborari go tlamela tirelo ya tshedimosetso kwa baaging ba tsona. NLSA, BLINDLIB le SABWO e amogela dikeetletso go tswa Lefapheng la Bosetšhaba la Botsweretshi le Setso mme ke dikemedi tsa khuduthamaga tsa Lefapha.
NLSA e dira jaaka kemedi ya bosetšhaba ya bibiliokerafi gape le jaaka laeborari ya bosetšhaba ya polokelo. Tikatikwe ya Buka, e e leng moitseanape wa yuniti ka fa gare ga NLSA, e godisa thutego, tsweletso ya dibuka, le mowa wa go buisa.
BLINDLIB e tlhagisa le go phatlhalatsa mo nageng yotlhe dikwalo ka Braille, mmogo le ditheipi tsa kutlwelelo, ka tlhamalalo kwa badirising ba tshedimosetso ba difofu e bile ba na le bogole jwa kgatiso. Karolo ya Ditirelo tsa Braille ya SABWO e tlhagisa dikwalo tsa Braille fa di tlhokiwa. Ka bobedi NLSA le BLINDLIB di dirisa mekgwa ya khomputara go tlamela phitlhelelo go ya dikgobokanyong le go godisa kabelano -metswedi.
Bokaedi tlaleletso jwa Tshedimosetso- phetogo bo tsamaisa Melao ya bosetšhaba ya LIS e e latelang, e e bopang karolo ya letlhomeso la peomolao la mokgwa wa bosetšhaba wa tshedimosetso- phetogo:
Molao wa Khansele ya Bosetšhaba ya Laeborari le Ditirelo tsa Tshedimosetso, 2001 (Molao No. 6 wa 2001)
Molao wa Laeborari ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa, 1998 (Molao No. 92 wa 1998)
Molao wa Laeborari ya Aforika Borwa ya Difofu, 1998 (Molao No. 91 wa 1998), le
Molao wa Peeletso ya Semolao, 1997 (Molao No. 54 wa 1997).
Bokaedi tlaleletso gape bo amega mo mabakeng a taolelo ya ditheo ya NLSA, BLINDLIB le SABWO bo tsamaisa tirego ya go bopa gape Diboto tsa NLSA le BLINDLIB.
Bokaedi tlaleletso bo dira jaaka Bokwaledi jwa Komiti ya Peeletso ya Semolao ya molao o o kwadilweng le molao o o kwadilweng wa Khansele ya Bosetšhaba ya Laeborari le Ditirelo tsa Tshedimosetso. Tshedimosetso - phetogo gape e tsamaisa tirego ya go bopa gape Komiti le Khansele.
Ka bokhutshwane, Molao wa Peeletso ya Semolao, 1997, o tlhomamisa gore khophi e le nngwe ya tokomane nngwe le nngwe e e phasladitsweng mo Aforika Borwa e romelwa mahala ntle le tuelo kwa NLSA, Laeborari ya Palamente, Laeborari ya Setšhaba ya Natala le Ditirelo tsa Setšhaba tsa Laeborari tsa Mangaung (Bloemfontein). Dikhophi tsa matheriale wa kutlo-pono di romelwa kwa Diakhaefeng tsa Bosetšhaba tsa Filimi, Bedio le Modumo mo Tshwane. Ka Molao o, ngwaoboswa e e kwadilweng ya Aforika Borwa e a bolokiwa le go rebolelwa setšhaba.
